🌐 Language
'Olelo Hawai'iAfaan Oromoobahasa IndonesiaBelarusianBrezhonegCebuanoChamorroChichewachiShonaChongthuCiyawoDanskDeutschEestiEnglishEspañolEsperantoeʋegbeFrançaisHausaHrvatskiIgboIlocanoItalianoKikuyuKiswahiliKiyombiKreyòl AyisyenLatinaLatviešulietuviųLingálaLugandaMagyarMahasuiMāoriNederlandsNorskPohnpeianPolskiPortuguêsQach’abelRomaniRomânăSanskritSetswanaShqipsrpski jezikSuomiSvenskaTagalogTiếng ViệtTonganTwiTürkçeUyghur tiliYorùbáÍslenskaČeštinaБългарскиРусскийУкраїнськаעבריתاردوالعربيةفارسیكوردی سۆرانیअहिराणी‎नेपालीभद्रवाही‎मराठीमानक हिन्दी‎हरियाणवी‎অসমীয়াবাংলাਪੰਜਾਬੀગુજરાતીଓଡ଼ିଆ‎தமிழ்తెలుగుಕನ್ನಡമലയാളംไทยဗမာἙλληνική中文日本語한국어+ Dipuo Tsotlhe
See More Jesus
Setswana

Bibela E Reng Ka Bomodimo? — Go E Tshelela Mo Botshelong · Dikwalo tsa KJV le Dinomoro tsa Strong — Potso ya Baebele

Potso ya Baebele

Bibela E Reng Ka Bomodimo? — Go E Tshelela Mo Botshelong · Dikwalo tsa KJV le Dinomoro tsa Strong — Potso ya Baebele

Mo temanaeng nngwe le nngwe e latelang, tlhopha se temana eo e se rutang. Manontlhotlho a gago a tla bonala kwa bofelong.

Se ke ditlhopho tse di lekwang. Di fenye go bona maduo a a tla go isang kwa Sertifiketing ya Tshegetso ya Tirelo ya Gago.

Timotheo I 3:16 — Go boammaaruri tota gore go tshelela Modimo ga go motlhofo. Mme karabo e mo go Keresete, yo o tsileng mo lefatsheng a le mo ________ sa motho, yo o supegileng a sena selabe a bile a itshekile mo Moweng wa gagwe, yo o diretsweng ke baengele, a rerwa mo dichabeng, a amogelwa ke batho gongwe le gongwe mme a amogelwa gape mo kgalalelong ya gagwe kwa legodimong.
didimale
setshwanong
bopelotelele
Petere I 2:2 — Fa lo ikutlwetse bomolemo jwa Modimo le tshiamo ya One, lelelang gore lo okelediwe, jaaka losea lo lelela ________. Jang lefoko la Modimo le baleng, akanyang kaga lone mme lo gole ka nonofo mo Moreneng lo bo lo bolokwe.
dintho
mashi
Modisa
Bahebera 11:6 — Ga o ________ wa itumdisa Modimo kwa ntle ga tumelo, kwa ntle ga go ikaega mo go One. Le fa e le mang yo o batlang go tla kwa Modimong o tshwanetse go dumela gore go na le Modimo le gore o duela ba ba o batlang ka boammaaruri.
kake
baba
molato
Ditiro 3:2 — Ya re ba atamela Tempele, ba bona monna yo o neng a sale a nnanye go tsweng mo sebopelong sa ga mmaagwe a rwelwe mo tseleng mme a bewa fa thoko ga kgoro ya Tempele e e neng e bidiwa ________, ka e ne e le tlwaelo ya gagwe ya malatsi otlhe.
Bontle
itumedisang
gakgamatsang
Bakolosa 1:10 — le go kopa gore tsela e lo tshelang ka yone e itumedise Morena ka ________ yotlhe lo bo lo mo tlotle, gore lo age lo dira, dilo tse di molemo mo go ba bangwe, lo ntse lo tswelela go ithuta go itse Modimo botoka.
itumedisa
metlha
batlhanka
Timotheo I 2:1 — Mme dikgakololo tsa me ke tse: Rapele lang ba bangwe thata; ba kopeleng ________ botlhoko ya Modimo; lebogelang tsotlhe tse o tlaa di ba direlang.
botlhokwa
itumedisang
kutlwelo
Timotheo I 6:6 — A o batla go huma? O setse o humile fa o ________ ebile o siame.
romela
itumela
tsena
Tito 2:12 — mme mo go yone neo e, go tla temogo ya gore Modimo o batla gore re furalele botshelo jo bo senang Modimo le ________ tsa boleo, mme re tshele matshelo a a molemo, matshelo a a boifang Modimo ka letsatsi le letsatsi
kutlo
dirang
dithato
Timotheo I 6:11 — Oo, Timotheo, o monna wa Modimo. Tshaba dilo tse tsotlhe tse di bosula mme mo boemong jwa mo, o dire se se molemo le se se siameng, o ithuta go mo ikanya le go rata ba bangwe, le go nna ________ le tshiamo.
morongwa
gantsi
pelotelele
Petere II 1:6 — Gape, ithuteng go beela dikeletso tsa lona fa thoko gore lo tle lo nne ________ le tshiamo, ka boitumelo lo letla Modimo go tsamaya le lona.
morongwa
pelotelele
Naledi
Timotheo I 6:12 — Tlhabanela Modimo thata. Tshwara thata botshelo jo bo sa khutleng jo Modimo o bo go neileng, jo o bo ipoleletseng ka boipolelo jo bogolo mo ponong ya ________ ba le bantsi.
Dikwalo
basupi
gantsi
Timotheo I 1:18 — Jaanong ________, morwaaka, se ke taolo ya me mo go wena: tlhabana sentle mo dintweng tsa Morena, fela jaaka Morena a re boleletse ka baporofiti ba gagwe gore o tlaa dira.
Judase
kgoromeletsa
Timotheo
Timotheo II 2:3 — Tsaya seabe sa gago sa go boga jaaka ________ le le siameng la ga Jesu Keresete, fela jaaka ke dira
lesole
pelotelele
morongwa
Timotheo II 2:4 — mme jaaka lesole la ga Keresete o se ka wa itlhakatlhakanya le dilo tsa selefatshe, gonne ga o ________ wa itumedisa ene yo o go kwadileng mo mophatong wa batlhabani ba gagwe.
batsadi
molato
kake
Baefesia 6:11 — Aparang diaparo tsa phemelo tsotlhe tsa Modimo gore lo tle lo kgone go iphemela mo maanong otlhe le ________ jwa ga Satane.
ikgogomosang
boferefere
kgaogano
Baroma 6:13 — Se letleleleng tokololo epe ya mebele ya lona go nna didirisiwa tsa boleo, go dirisiwa mo go direng boleo; mme ineeleng ________ mo Modimong, tokololo nngwe le nngwe ya lona, gonne lo tswa mo losong mme lo batla go nna didirisiwa tsa Modimo, go dirisiwa mo megopolong ya one e e siameng.
lemoga
solofeditseng
gotlhelele
Timotheo II 3:12 — Ee, ________ e tlaa tlela botlhe ba ba ikaeletseng go tshela botshelo jwa Modimo go itumedisa Keresete Jesu, e tswa mo go ba ba mo ilang.
bopelokgale
rapelela
pogiso
Bakorintha I 9:25 — Go gapa sekgele mo kgaisanong lo tshwanetse go itatola bolona le dilo di le dintsi tse di ka lo kganelang go dira ka ________. Mosiami o tsena mo matshwenyegong a le mantsi fela go gapa talama e tala kgotsa senwelo sa gauta, mme rona re direla tuelo ya selegodimo e e sa ka keng ya nyelela.
boaka
botlalo
katlholo
Bahebera 12:1 — Mme ka re na le batho ba ba ntseng jalo ba le bantsi ba tumelo ba ba re lebeletseng ba le kwa ________ tse di kwa godimo, a re apoleng sengwe le sengwe se se diang kgotsa se se re busetsang kwa morago, mme bogolo thata jang dibe tse di tshophelelang thata mo maotong a rona di bo di re digela fa fatshe; mme a re sianeng ka bopelotelele lobelo lo Modimo o lo beileng fa pele ga rona.
dikwalo
ditilong
diphefo
Timotheo II 4:6 — Ke bua se ka gore ke tlaa bo ke seyo go go thusa ka lobaka lo loleele. Lobaka lwa me lo setse lo fitlhile. E tlaa re ka ________ ke bo ke le mo tseleng ya me go ya legodimong.
itumela
reetsa
bonako
Timotheo II 4:8 — Kwa legodimong ________ se nkemetse se Morena, moatlhodi wa tshiamo, o tlaa se nnayang ka letsatsi le legolo la go bowa ga gagwe. Mme e seng nna fela, e leng botlhe ba matshelo a bone a supang gore ba lebeletse ka tlhwaafalo go tla ga gagwe gape.
serwalo
tonkana
dinonyane
Bahebera 12:2 — Tlhomang matlho a lona mo go Jesu, moeteledipele le moruti wa rona. O ne a ineela go swa loso lo lo tlhabisang ditlhong mo mokgorong ka ntlha ya boitumelo jo a neng a itse fa bo mo letetse kwa morago; mme jaanong o nna mo lefelong la ________ gaufi le setilo sa bogosi sa Modimo.
tlotlo
botoka
fitlhelela
Petere I 1:24 — Ee, botshelo jwa rona jwa tlholego bo tlaa nyelela jaaka bojang fa bo nna bosetlha bo omelela. Bogolo jwa rona jotlhe bo tshwana le sethunya se se kgolegang se bo se ________ fa fatshe;
botoka
khutleng
wela
Petere I 1:25 — mme Lefoko la Morena le tlaa nna ka ________. Le molaetsa wa gagwe ke Mafoko a a Molemo a lo a reretsweng.
bosakhutleng
eng
utlwa
Mathaio 24:35 — “________ le lefatshe di tlaa nyelela, mme mafoko a me a tla nna ka bosenabokhutlo.”
Legodimo
bontsintsi
madi
Tshenolo 2:10 — Lesa go boifa se o tlaa tlogang o se bogela, gonne Satane o tlaa akofa a latlhela bangwe ba lona mo kgolegelong go lo leka. O tlaa lo bogisa selekanyo sa ‘malatsi a le lesome’ Ikanyege le fa o lebaganye le loso, mme ke tlaa go naya ________ sa botshelo, bokamoso jo bo galalelang jo bo sa khutleng.
dinonyane
legodu
serwalo
Petere I 5:4 — Mme e tlaa re fa Modisa yo Mogolo a tla, ________ ya lona e tlaa nna seabe se se senang bokhutlo mo kgalalelong le mo tlotlong ya gagwe.
Dikwalo
tuelo
baperesiti
Bahebera 11:5 — Enoke le ene o ne a ________ Modimo, mme ka moo Modimo o ne wa mo tseela kwa legodimong a sa swa, ka tshoganetso o ne a tsamaya gonne Modimo o ne wa mo tsaya. Pele ga tiragalo e, Modimo o ne o rile o itumetse thata jang ka Enoke.
ikanya
bidiwa
leka
Bathesalonia I 4:17 — Mme rona ba re santseng re tshela re tlogetswe mo lefatsheng re tlaa tsholelediwa mmogo nabo mo marung go ________ Morena mo loaping le go nna nae ka bosenabokhutlo.
kgatlhantsha
kopa
Modisa

← Boela kwa thutong