Bibela E Reng Ka Boikgapo (Boikgapo)? — Go E Phela · Ditemana tsa KJV tse di nang le Dinomoro tsa Strong — Potso ya Baebele
Potso ya Baebele
Bibela E Reng Ka Boikgapo (Boikgapo)? — Go E Phela · Ditemana tsa KJV tse di nang le Dinomoro tsa Strong — Potso ya Baebele
Mo temanaeng nngwe le nngwe e latelang, tlhopha se temana eo e se rutang. Manontlhotlho a gago a tla bonala kwa bofelong.
Se ke ditlhopho tse di lekwang. Di fenye go bona maduo a a tla go isang kwa Sertifiketing ya Tshegetso ya Tirelo ya Gago.
Bagalatia 5:22-23 — Mme fa Mowa O O Boitshepo o laola matshelo a rona o tlaa ungwa loungo lwa mofuta o mo go rona: lorato, boitumelo, kagiso, bopelotelele, ________, bomolemo, boikanyego
botlalo
boaka
bopelonomi
Johane 15:4 — Elang tlhoko gore lo nne mo go nna, le nna ke nne mo go lona. Gonne ga e kake ya re ________ e kgaotswe mo mofineng ya ungwa, le lona ga lo kake lwa ungwa kwa ntle ga me.
monyadi
latlhegelwa
kala
Johane 15:5 — “Ee, ke mofine; lona lo ________. Lefa e le mang yo o nnang mo go nna le nna ke nna mo go ene, o tlaa ungwa loungo lo logolo. Gonne ga go na sepe se lo ka se dirang kwa ntle ga me.
mokgoro
mmaba
dikala
Johane 5:39 — Lo phuruphutsa dikwalo tsa tumelo, gonne lo dumela gore di lo naya botshelo jo bo sa ________. Mme dikwalo di raya nna!
lesedi
khutleng
rata
Petere I 2:2 — Fa lo ikutlwetse bomolemo jwa Modimo le tshiamo ya One, lelelang gore lo okelediwe, jaaka losea lo lelela ________. Jang lefoko la Modimo le baleng, akanyang kaga lone mme lo gole ka nonofo mo Moreneng lo bo lo bolokwe.
dintho
mashi
kolobetso
Bagalatia 5:16 — Ke lo ________ gore lo obamele ditaolo tsa Mowa O O Boitshepo fela. O tlaa lo bolelela gore lo ye kae le gore lo dire eng; jalo ga lo na go dira dilo tse di sa siamang malatsi otlhe tse tlholego ya lona e e bosula e batlang lo di dira.
botlalo
bopelotelele
gakolola
Baroma 13:14 — Mme kopang Morena Jesu go lo thusa go tshela jaaka lo tshwanetse, le gone lo se ka lwa etleeletsa nama go diragatsa ________ tsa yone.
rapelela
dithato
dirang
Baefesia 5:18 — Se nweng ________ o le montsi, gonne maleo a le mantsi a mo go yone tsela eo; mo boemong jwa moo, tlalang ka Mowa O O Boitshepo, lo bo lo laolwe ke one.
botoka
simolola
mofine
Tito 2:11-12 — Gonne neo e e sa rekweng ya ________ ya bosakhutleng jaanong e neetswe mongwe le mongwe;
poloko
boitumelo
boaka
Petere II 1:5-6 — Mme go nna le dimpho tse, lo ________ mo gogolo go feta tumelo; lo tshwanetse gape go dira thata go nna tshiamo, le fa go sa lekana. Gonne lo tshwanetse go ithuta go itse Modimo thata le go bona se o batlang lo se dira.
tlhoka
gaufi
fenyang
Tito 2:2 — Ruta banna bagolo go tlhwafalela go nna boikgapo, ba tshwanetse go nna le ditlhaloganyo, ba itse, ba bile ba dumela boammaaruri, ba dira sengwe le sengwe ka lorato le ________.
botlhale
bopelotelele
botlalo
Tito 1:8 — Ba tshwanetse go ________ go amogela baeng mo matlung a bone le go rata gotlhe mo go molemo. Ba tshwanetse go nna banna ba ba nang le ditlhaloganyo tse di itekanetseng, ebile ba sa patike. Ba tshwanetse go nna le megopolo e e lekalekanyeng e e phepha.
leofa
itumelela
kopang
Jakobe 1:19 — Bakaulengwe, se lebaleng gore go botoka go reetsa thata, le go bua go le gonnye mme o sa tlale ________;
baba
thapelo
bogale
Bakorintha I 9:25 — Go gapa sekgele mo kgaisanong lo tshwanetse go itatola bolona le dilo di le dintsi tse di ka lo kganelang go dira ka ________. Mosiami o tsena mo matshwenyegong a le mantsi fela go gapa talama e tala kgotsa senwelo sa gauta, mme rona re direla tuelo ya selegodimo e e sa ka keng ya nyelela.
boaka
botlalo
gakolola
Bakorintha I 9:26 — Jalo ke sianela fela kwa bofelong ka maikaelelo mo kgatong nngwe le nngwe, ke lwela go ________. Ga ke lwele lefela kgotsa dinyana.
fenya
botlalo
tsogo
Timotheo II 2:3 — Tsaya seabe sa gago sa go boga jaaka ________ le le siameng la ga Jesu Keresete, fela jaaka ke dira
lesole
morongwa
batshedi
Timotheo II 2:4 — mme jaaka lesole la ga Keresete o se ka wa itlhakatlhakanya le dilo tsa selefatshe, gonne ga o ________ wa itumedisa ene yo o go kwadileng mo mophatong wa batlhabani ba gagwe.
molato
batsadi
kake
Timotheo II 2:5 — Latela melao ya Morena go dira tiro ya gagwe, felajaaka mosiani a ka latela melao kgotsa a bonwa molato mme a ________ go gapa sekgele.
tlhapa
itumela
tlhoke
Timotheo II 2:22 — Tshaba sengwe le sengwe se se ka go nayang dikgopolo tse di bosula tse makawana ________ ba nang le tsone, mme o nne gaufi le sengwe le sengwe se se go dirang gore o batle go dira tshiamo. Nna le tumelo le lorato, mme o nne botsalano le ba ba ratang Morena ebile ba na le dipelo tse di itshekileng.
morongwa
Mafoko
gantsi
Petere I 2:11 — Bakaulengwe ba ba rategang, lo baeti fela mono. E re ka legae la lona tota le le kwa legodimong ke lo kopa gore lo ________ mo ditlhapelong tse di bosula tsa lefatshe leno; ga se tsa lona, gonne di tlhabana le mewa ya lona.
ikgaphe
ditekong
batshedi
Baroma 6:13 — Se letleleleng tokololo epe ya mebele ya lona go nna didirisiwa tsa boleo, go dirisiwa mo go direng boleo; mme ineeleng ________ mo Modimong, tokololo nngwe le nngwe ya lona, gonne lo tswa mo losong mme lo batla go nna didirisiwa tsa Modimo, go dirisiwa mo megopolong ya one e e siameng.
rategang
solofeditseng
gotlhelele
Bakorintha II 10:4 — Ke dirisa ditlhabano tsa Modimo tse dikgolo, e seng tse di dirilweng ke batho, go ________ dithata tsa ga Diabolo.
fenya
poloko
boaka
Bakorintha II 10:5 — Ditlhabano tse di ka ________ dikganetsanyo tse di tletseng boikgodiso tse di kgathanong le Modimo le dipotana dingwe le dingwe tse di ka agiwang go kgoreletsa batho go mmona. Ka ditlhabano tse, ke ka gapa dirukhutlhi, ka bo ka di busetsa mo Modimong, ka bo ka di fetola go nna batho ba dikeletso tsa dipelo tsa bone di obamelang Keresete.
poloko
bopelotelele
fenya
Bahebera 12:1 — Mme ka re na le batho ba ba ntseng jalo ba le bantsi ba tumelo ba ba re lebeletseng ba le kwa ________ tse di kwa godimo, a re apoleng sengwe le sengwe se se diang kgotsa se se re busetsang kwa morago, mme bogolo thata jang dibe tse di tshophelelang thata mo maotong a rona di bo di re digela fa fatshe; mme a re sianeng ka bopelotelele lobelo lo Modimo o lo beileng fa pele ga rona.
diphefo
ditilong
baitimokanyi
Timotheo II 4:8 — Kwa legodimong ________ se nkemetse se Morena, moatlhodi wa tshiamo, o tlaa se nnayang ka letsatsi le legolo la go bowa ga gagwe. Mme e seng nna fela, e leng botlhe ba matshelo a bone a supang gore ba lebeletse ka tlhwaafalo go tla ga gagwe gape.
serwalo
tonkana
boitumelo
Bahebera 12:2 — Tlhomang matlho a lona mo go Jesu, moeteledipele le moruti wa rona. O ne a ineela go swa loso lo lo tlhabisang ditlhong mo mokgorong ka ntlha ya boitumelo jo a neng a itse fa bo mo letetse kwa morago; mme jaanong o nna mo lefelong la ________ gaufi le setilo sa bogosi sa Modimo.
tlotlo
botoka
fitlhelela
Jakobe 1:12 — Go sego motho yo o sa ineeleng mo go direng boleo fa a lekwa, gonne e tlaa re kwa morago o tlaa amogela serwalo sa botshelo e le ________ ya gagwe, serwalo se Modimo o se solofeditseng ba ba o ratang.
bofelo
tuelo
molaodi
Mathaio 24:13 — Mme ba ba itshokang go ya bokhutlong ba tlaa ________.
tlhoke
kolobediwa
bolokwa
Johane I 2:16 — gonne dilo tse tsotlhe tsa lefatshe, dikeletso tse di bosula tse, dikeletso tsa ________, kgatlhego ya go reka sengwe le sengwe se se gapang maikutlo a gago, le boikgodiso jo bo dirwang ke khumo le go tlotlega, dilo tse ga di tswe kwa Modimong. Ditswa mo lefatsheng leno le le bosula.
A thuto e, e go thusa? Abelana ka bopaki jwa gago jo bokhutshwane kgotsa jo bo feletseng — polelo ya gago e thusa motho o mongwe go fitlhela sete se.
Boloka tswelelopele ya gago
Ga e patelesege. Ga o tlhoke akhaonto go ka dirisa sete se.
Boloka dintlha tsa gago tsa quiz le setifikeiti sa gago fa o fetola founo ya gago kgotsa wa phimola browser ya gago.
Busa Tsweletso
Go busetsa go tlosa tshiamelo e e mo setlabelong seno, mme setifiketi sengwe le sengwe se o se gatisang morago ga moo se tla nna se na le leina le le mo rekhotong.